NSHOLO WE ZWIDIYO 41
LUMBO 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang
Ludo Gwe Ndzimu ha gu to Pela
“Tendani [Jehova], ngobe bakalulwama; ngobe ludo gwabo gusingazunguzike gumile nge kusingapele.”—PIS. 136:1.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Setlhogo seno se tla tlhalosa gore nngwe ya dithuto tsa Baebele tsa motheo ke gore Jehofa o lorato le gore go gopola seo go tla re kgothatsa fa re lebane le mathata.
1-2. Bakirisiti ba njinji ba no lingisana ne mathatha api?
LEKA go akanya go tsogile setsuatsue mo lewatleng, sekepe se phepheulwa ke makhubu a lewatle. Sekepe seo se tla nna se ya kwa le kwa fa tshetledi e sa latlhelwe mo lewatleng. Mme fa e ka latlhelwa, e tla thusa gore sekepe se tlhomame le gore se se ka sa tsewa ke setsuatsue.
2 Fa o na le mathata, maikutlo a gago a ka nna a fetofetoga jaaka sekepe se phepheulwa ke makhubu a lewatle. Gompieno o ka tswa o tlhatswegile pelo gore Jehofa o a go rata le gore o a go tshegetsa, mme kamoso o bo o ipotsa gore a Jehofa o bona mathata a o lebanang le one. (Pes. 10:1; 13:1) Gongwe tsala ya gago e ka go gomotsa o bo o ikutlwa botoka. (Diane 17:17; 25:11) Mme go ise go ye kae, o ka nna wa simolola go ipotsa gore a Jehofa o a go thusa. Tota e bile, o ka nna wa akanya gore Jehofa ga a go rate. Ke eng se se ka go thusang gore o tlhomame fa o lebane le mathata? Ka mafoko a mangwe, ke eng se se ka go thusang gore o tlhatswege pelo gore Jehofa o a go rata le gore o go ema nôkeng? Gape ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o tlhomamisegile ka seo?
3. Ludo “gusingazunguzike,” ko dwiwani se kwa kwa ka kwagwa mu na Pisalema 31:7 na 136:1, ngono ini ti nga ti Jehova ndiye u no gu lakidza ku pinda nngwe ne nngwe? (Bona itshwantsho.)
3 Sengwe se se ka go thusang gore o nne o tlhomame fa o na le mathata, ke go gopola lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng. (Bala Pesalema 31:7; 136:1.) Mafoko a a reng “lorato lo lo sa kgaotseng,” a kaya go rata motho fela thata mo o ka se kang wa mo tlogela. Ga go na ope yo o bontshang lorato lo lo sa kgaotseng jaaka Jehofa. Tota e bile, fa Baebele e mo tlhalosa e a re ‘o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.’ (Ekes. 34:6, 7) Gape Baebele e bua jaana ka ene: “Botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 86:5) Seno se raya gore Jehofa ga a ke a tlogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang! Go gopola gore Jehofa o a ikanyega go tla go thusa gore o tlhomame fa o lebane le mathata.—Pes. 23:4.
Fela jaaka tshetledi e thusa sekepe gore se se ka sa ya kwa le kwa fa go na le setsuatsue, go tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata, go tla re thusa gore re nne re tlhomame fa re na le mathata (Bona serapa 3)
LINGA LUDO GWA JEHOVA SE CHIDIYO CHE BAIBILI CHE KUTANGA
4. Lakidza kuti zwidiyo zwe Baibili zwe kutanga ini, ne se kwa ti singa togwe ne phepo ingwe ne ingwe koga.
4 Gape se se ka re thusang go nna re tlhomame fa re lebane le mathata ke go gopola gore lorato lwa ga Jehofa ke thuto ya Baebele ya motheo. Ke eng se o se akanyang fa o utlwa mafoko a a reng “thuto ya Baebele ya motheo”? Gongwe o akanya ka dilo tse o di ithutileng mo Lefokong la Modimo. Ka sekai, o ile wa ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, gore Jesu ke Morwa Modimo yo o tshotsweng a le esi, gore baswi ga ba itse sepe le gore batho ba tlile go tshela mo lefatsheng la paradaise go ya go ile. (Pes. 83:18; Mor. 9:5; Joh. 3:16; Tshen. 21:3, 4) Fa o sena go amogela dithuto tseo, go ne go se na ope yo o neng a ka dira gore o se ka wa tlhoka o di dumela. Goreng? Ka gonne o ile wa lemoga gore se o se rutilweng ke boammaaruri. A re boneng gore go leba lorato lwa ga Jehofa e le thuto ya Baebele ya motheo go ka re thusa jang fa re akanya gore Jehofa ga a re kgathalele le gore ga a bone dilo tse di re diragalelang.
5. Chenesa se kwa zwidiyo zwe manyepkhwa zwi bigwa pachena.
5 Fa o ne o simolola go ithuta Baebele, ke eng se se go thusitseng go gana dithuto tsa maaka? Gongwe o ile wa thusiwa ke go bapisa se o neng o se ithuta mo Baebeleng le se o neng o se rutiwa kwa kerekeng. Ka sekai, a re re o ne o dumela gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe. Fa o ntse o ithuta Baebele, o ile wa ipotsa gore a mme se o se dumelang ke boammaaruri. Fa o sena go sekaseka se Baebele e se buang, o ile wa lemoga gore se o se dumelang ga se boammaaruri. Go tswa foo, o ile wa simolola go dumela gore Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe” le gore ke “Morwa Modimo yo o tshotsweng a le esi.” (Bakol. 1:15; Joh. 3:18) Ke boammaaruri gore dithuto tsa maaka di ka ‘nwelelela kwa teng thata’ go bo go nna thata go di tlogela. (2 Bakor. 10:4, 5) Mme fa o sena go di tlogela, ga o a ka wa boela kwa go tsone.—Bafil. 3:13.
6. Ini u nga galamoyo kuti ludo gwa Jehova go “galila chose”?
6 O ka dira se se tshwanang ka se Baebele e se rutang ka lorato lwa ga Jehofa. Fa o lebane le mathata o bo o simolola go ipotsa gore a Jehofa o a go rata, ipotse go re: “A tota ke akanya sentle?” Bapisa se o se belaelang ka lorato lwa ga Jehofa le se Pesalema 136:1 e se buang, e leng temana ya setlhogo seno. Goreng Jehofa a re lorato lwa gagwe ke “lo lo sa kgaotseng”? Goreng mafoko a a reng “lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri” a tlhaga ka makgetlo a le 26 mo pesalemeng eno? Re ithutile gore lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng lo a ratang batho ba gagwe ka lone, ke thuto ya motheo ya Baebele e bile e tshwana le dithuto tse dingwe tse o ileng wa di amogela tse di mo Lefokong la Modimo. Kgang ya gore Jehofa o go tsaya o se botlhokwa kgotsa ga a go rate ga e boammaaruri. Ka jalo, gana go e dumela fela jaaka o ne o ka gana go dumela dithuto tsa maaka.
7. Lakidza hwalo dzi no ti chenesela ludo gwa Jehova.
7 Baebele e na le ditemana di le dintsi tse di re tlhatswang pelo gore Jehofa o a re rata. Ka sekai, Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Math. 10:31) Jehofa le ene o ile a raya batho ba gagwe a re: “Ke tla go nonotsha, ke tla go thusa, ruri ke tla go ngangatlela thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isa. 41:10) Ela tlhoko gore Jehofa le Jesu ba ne ba bua ba tiisitse. Jesu ga a a ka a re ‘Gongwe lo botlhokwa,’ e bile Jehofa ga a a ka a re ‘Nka nna ka go thusa.’ Go na le moo, Jesu o ile a re: “Lo botlhokwa,” e bile Jehofa o ile a re “Ke tla go thusa.” Fa o lebane le mathata mme o ipotsa gore a Jehofa o a go rata, ditemana tseo le tse dingwe di tla go thusa gore o ikutlwe botoka e bile di tla go thusa gore o tlhatswege pelo gore Jehofa o a go rata. Se ditemana tseno di se buang ke boammaaruri. Fa o rapela Jehofa o mmolelela se o se akanyang o bo o akanyetsa kwa teng ka ditemana tseno, o tla kgona go bua mafoko a a mo go 1 Johane 4:16, a a reng: “Re a itse e bile re dumela re sa belaele gore Modimo o a re rata.”a
8. U nga thamani ha mu chibaka chingwe u bilayela ludo gwa Jehova mu kuli?
8 Mme gone, o ka dira eng fa e le gore ka dinako dingwe o a tle o belaele gore Jehofa o a go rata? O ka bapisa tsela e o ikutlwang ka yone le se o se itseng ka Jehofa. Maikutlo a a fetoga mme boammaaruri jone ga bo ke bo fetoga. Se Baebele e se rutang ka lorato lwa ga Jehofa, se boammaaruri. Fa re sa dumele gore Jehofa o a re rata, re tla bo re itlhokomolosa nonofo ya gagwe ya botlhokwa thata, e leng lorato.—1 Joh. 4:8.
KUMBULILA SE KWA JEHOVA E “KU DA”
9-10. Matama a Jesu a no tobela a noti “Tate banomuda,” a no dwani se kwa ku lakidziwa mu na Johani 16:26, 27? (Bona itshwantsho.)
9 Re ka ithuta mo go oketsegileng ka tsela e Jehofa a re ratang ka yone mo mafokong a Jesu a ileng a a bolelela balatedi ba gagwe. O ile a re: “Rara ka boene o a lo rata.” (Bala Johane 16:26, 27.) Jesu o ne a sa bue mafoko ano fela e le go itumedisa barutwa ba gagwe. Tota e bile, fa re bala ditemana tse di tlang pele ga mafoko ano, re kgona go lemoga gore Jesu o ne a sa bue ka tsela e barutwa ba gagwe ba neng ba ikutlwa ka yone ka nako eo. Go na le moo, o ne a bua ka sengwe se se farologaneng, e leng thapelo.
10 Jesu o ne sa tswa go bolelela barutwa ba gagwe gore fa ba rapela, ba rapele ka leina la gagwe, e seng gore ba rapele ene. (Joh. 16:23, 24) Go ne go le botlhokwa gore ba itse seo. Fa Jesu a sena go tsosiwa, barutwa ba gagwe ba ka tswa ba ile ba raelesega go mo rapela. E re ka Jesu e ne e le tsala ya bone, ba ne ba ka akanya gore tsela e a neng a ba rata thata ka yone e ne e tla mo tlhotlheletsa gore a reetse dithapelo tsa bone a bo a kopa Rraagwe gore a ba thuse. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re ba se ka ba akanya jalo. Ka ntlha ya eng? Ka gonne o ne a ba raya a re: “Rara ka boene o a lo rata.” Eno ke nngwe ya dithuto tsa motheo tsa Baebele tse re di rutiwang ka thapelo. Akanya gore seo se go ruta eng. Fa o ntse o ithuta Baebele, o ile wa simolola go itse Jesu le go mo rata. (Joh. 14:21) Mme gone, fela jaaka barutwa ba lekgolo la ntlha ya dingwaga, o ka rapela Jehofa o tlhatswegile pelo ka gonne o itse gore ene “ka boene o a [go] rata.” Nako le nako fa o rapela Jehofa, o bontsha gore o dumela mafoko ao.—1 Joh. 5:14.
O ka rapela o tlhatswegile pelo ka gonne o itse gore Jehofa “ka boene o a go rata” (Bona serapa 9-10)b
ZIBA KUTI KU BILAYELA KO DWA NGAYI
11. Ini ku nga shathisa Satani ha ti nga bilayela ludo gwa Jehova?
11 Ke mang yo o dirang gore re belaele gore Jehofa o a re rata? O ka nna wa re ke Satane, mme seo se boammaaruri. Satane o batla go re “kometsa,” e bile o batla gore re belaele gore Jehofa o a re rata. (1 Pet. 5:8) Boammaaruri ke gore Jehofa o a re rata e bile o bontshitse seo ka go re ntshetsa thekololo. Satane ene o batla gore re ikutlwe re le baleofi mo e leng gore setlhabelo seo sa thekololo se ka se re tswele mosola. (Baheb. 2:9) Tota ke mang yo o itumelang fa re belaela gore Jehofa o a re rata? Ke Satane. Ke mang yo o itumelang fa re kgobega marapo re bo re tlogela go direla Jehofa? Ga go pelaelo gore ke Satane. Satane o batla gore re akanye gore Jehofa ga a re rate, mme seo ke maaka a matala. Tota Satane ke ene yo Jehofa a sa mo rateng. Le fa go ntse jalo, lengwe la “maano a boferefere” a a a dirisang ke go leka go dira gore re akanye gore ke rona ba Jehofa a sa re rateng le gore o re latlhile. (Baef. 6:11) Fa re lemoga se mmaba wa rona a batlang go se dira, re tla ikemisetsa go mo ‘ganetsa.’—Jak. 4:7.
12-13. Chibi cha ta ka zwagwa nacho chi nga thama chini kuti ti bilayele ludo gwa Jehova?
12 Go na le sengwe gape se se ka dirang gore re belaele gore Jehofa o a re rata. Ke eng seo? Ke boleo jo re bo ruileng. (Pes. 51:5; Bar. 5:12) Boleo bo sentse botsala jwa rona le Modimo. Gape bo sentse tsela e re akanyang ka yone, e re ikutlwang ka yone le botsogo jwa rona.
13 Boleo bo amile maikutlo a rona ka tsela e e sa siamang, bo dira gore re ikutlwe re le molato, re tlhobaela, re sa sireletsega e bile re tlhabilwe ke ditlhong. Re ka nna le maikutlo ano fa re dirile boleo jo bo masisi. Mme gape re ka ikutlwa jalo ka gonne re nna re lemoga gore re na le boleo, e leng sengwe se se sa dumalaneng gotlhelele le tsela e Jehofa a bopileng batho ka yone kwa tshimologong. (Bar. 8:20, 21) Fela jaaka koloi e ka se tsamaye sentle fa leotwana la yone le se na mowa, le rona ga re kgone go dira dilo sentle ka gonne re na le boleo. Ka jalo, ga go gakgamatse fa ka dinako dingwe re ipotsa gore a Jehofa o a re rata. Fa seo se direga, re tshwanetse go gopola gore Jehofa ke “Modimo yo mogolo le yo o boitshegang, . . . yo o bontshang ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng.”—Neh. 1:5.
14. Ku kumbula ne kwe chibayilo cha Jesu ku nga ti batsha chini ku lambana ne nkumbulo we kuti Jehova ha a to ti da? (Baroma 5:8) (Bona box li noti “Ela Tlhoko ‘Maatla a a Tsietsang a Boleo.’”)
14 Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re ka ikutlwa re sa tshwanelege go ratiwa ke Jehofa. Mme gone, kgang ya gore ga re tshwanelege, ke yone e e dirang gore go ratiwa ke Jehofa e nne sengwe se se kgethegileng. Ga go na sepe se re ka se dirang se se ka pateletsang Jehofa gore a re rate. Le fa go ntse jalo, o re ntsheditse thekololo gore a re itshwarele maleo a rona ka gonne a re rata. (1 Joh. 4:10) Gape gopola gore Jesu o ne a tletse go boloka baleofi, e seng batho ba ba se nang boleo. (Bala Baroma 5:8.) Ga go na ope wa rona yo o ka dirang dilo sentle jaaka motho yo o se nang boleo, e bile Jehofa ga a a lebelela gore re dire jalo. Fa re itse gore boleo jo re bo ruileng bo ka dira gore re belaele gore Jehofa o a re rata, seo se tla dira gore re ikemisetse le go feta go laola tsela e re akanyang ka yone.—Bar. 7:24, 25.
DWILILA U THEMBEKA
15-16. Ha ti dwilila ti thembeka mu na Jehova, ti nga gadzikanyiwa nkumbulo neni, ngono ne kutini? (2 Samuele 22:26)
15 Jehofa o batla gore re tlhophe “go mo ngaparela.” (Dute. 30:19, 20) Fa re dira jalo, re ka tlhatswega pelo gore le ene o tla tswelela a ikanyega mo go rona. (Bala 2 Samuele 22:26.) Fa fela re tswelela re ikanyega mo go Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla re thusa gore re kgone go itshokela mathata ape fela a re ka nnang le one mo botshelong.
16 Re ithutile gore re na le mabaka a le mantsi a go tswelela re tlhomame fa re na le mathata. Re a itse gore Jehofa o a re rata le gore o tla re tshegetsa. Seo ke se Baebele e se rutang. Fa go ka direga gore o belaele gore Jehofa o a go rata, gopola se o se itseng ka lorato lwa ga Jehofa go na le go tlhoma mogopolo mo tseleng e o ikutlwang ka yone. Re batla go tswelela re tlhatswegile pelo gore lorato lwa ga Jehofa lo nnela ruri, fela jaaka Baebele e bua.
LUMBO 159 Galaletsa Jehofa
a Dikai tse dingwe di mo go Duteronome 31:8, Pesalema 94:14 le Isaia 49:15.
b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o rapela Jehofa gore a mo thuse go tlhokomela mosadi wa gagwe yo o lwalang, gore a dire ditshwetso tse di siameng tse di amanang le tsa madi le gore a thuse ngwana wa gagwe wa mosetsana go rata Jehofa.