Nkwalo u pasi
a Letlha la March 27, 2021, ke la botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. Mo maitseboeng a letsatsi leo, re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu. Bontsi jwa batho ba ba tlileng go nna gone kwa Segopotsong seo ke ba Jesu a ba bitsang “dinku tse dingwe.” Ka 1935, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta boammaaruri bofe ka setlhopha seno sa batho? Ke eng se se tlileng go diragala morago ga pitlagano e kgolo, se ba dinku tse dingwe ba lebileng pele go se bona? Mme ba ka baka Modimo le Keresete jang fa ba le kwa Segopotsong?