Nkwalo u pasi
a Baebele e re solofetsa gore Jehofa o tla re sireletsa mo dilong tse di ka senyang botsala jwa rona le ene. Gape e a re o tlile go re sireletsa mo dilong tse di ka re utlwisang botlhoko go ya go ile. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tseno: Goreng re tlhoka gore Jehofa a re sireletse? Jehofa o re sireletsa jang? Mme re tshwanetse go dira eng gore a re thuse?