Nkwalo u pasi
a Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ‘latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi.’ Jesu o re tlogeletse sekao sefe se re tshwanetseng go se latela? Re tla bona karabo ya potso eno mo setlhogong seno. Gape re tla tlotla ka gore ke eng fa re tshwanetse go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi, le gore re ka dira seo jang.