Nkwalo u pasi
a Le fa Jesu e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba mo motlheng wa gagwe ba ne ba sa batle go mo reetsa. Goreng? Mo setlhogong seno re tla tlotla ka mabaka a le manĂª a go bo ba ne ba sa batle go mo reetsa. Gape re tla bona gore ke eng fa batho ba le bantsi gompieno ba sa batle go reetsa balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri le go amogela tsela e ba tshelang ka yone. Sa botlhokwa le go feta, re tla ithuta gore ke eng se se ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona mo go Jesu gore re se ka ra tlogela go mo latela.