Nkwalo u pasi
a E re ka re na le boleo, re ka dira kgotsa ra bua dilo tse di ka kgopisang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa seo se direga, re itshwara jang? A re leka ka natla go baakanya dilo? A ga re okaoke go kopa maitshwarelo? Kgotsa gongwe re swetsa ka gore, fa e le gore ba kgopisegile ga se bothata jwa rona, ke bothata jwa bone? Mme go tweng fa e le gore gangwe le gape re kgopisiwa ke se ba bangwe ba se buang kgotsa se ba se dirang? A re leka go ipuelela re re ke tsela e re leng ka yone—ke botho jwa rona? Kgotsa a gongwe re leba seo e le bokoa jo re tshwanetseng go lwa le jone?