Nkwalo u pasi
a Rotlhe re na le mathata. Mme bontsi jwa one ga a na tharabololo gone jaanong, ka jalo re tshwanetse go itshoka. Le fa go ntse jalo, ga se rona fela ba re itshokileng. Jehofa le ene o itshoketse dilo di le dintsi. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le robongwe tse Jehofa a di itshoketseng. Gape re tla bona gore ke dilo dife tse di molemo tse di ileng tsa direga ka go bo Jehofa a itshokile le gore re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.