Nkwalo u pasi
a Gore dilo di tsamaye sentle mo lelapeng, mongwe le mongwe o tshwanetse go itse gore go lebeletswe gore a dire eng e bile o tshwanetse go dirisana sentle le ba bangwe mo lelapeng. Rre o etelela lelapa pele ka lorato, mmê o mo ema nôkeng mme bana ba ikobela batsadi ba bone. Go direga se se tshwanang mo lelapeng la ga Jehofa. Go na le lebaka la go bo Modimo a re bopile mme fa re dirisana le ene re tlile go nna karolo ya lelapa la gagwe ka bosakhutleng.