Nkwalo u pasi
a A o kile wa utlwa motho yo o godileng yo o nang le lobaka lo loleele a direla Jehofa a re: ‘Ke ne ke sa solofela gore mo nakong eno, ke tla bo ke sa ntse ke tshela mo lefatsheng leno le le bosula’? Rotlhe re eletsa go bona Jehofa a fedisa lefatshe leno le le bosula, bogolo jang mo nakong eno e e thata. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna pelotelele. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go letela Jehofa gore a tseye kgato. Gape re tla tlotla ka dikarolo tse pedi tse re tshwanetseng go letela Jehofa ka bopelotelele mo go tsone. Kwa bofelong, re tlile go tlotla ka masego a batho ba ba ikemiseditseng go letela Jehofa ba tla a bonang.