Nkwalo u pasi
a Dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kwa go Jehofa. O direla batho botlhe dilo tse di molemo, tota le batho ba ba bosula. Le fa go ntse jalo, o itumelela thata go direla batlhanka ba gagwe dilo tse di molemo. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Jehofa o direla batlhanka ba gagwe dilo tse di molemo jang. Gape re tlile go ithuta gore fa batlhanka ba gagwe ba oketsa bodiredi jwa bone, o ba direla jang dilo tse di molemo ka tsela e e oketsegileng.