Nkwalo u pasi
a Fa mongwe yo o mo ratang a tlogela go direla Jehofa, go utlwisa botlhoko tota! Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Modimo o ikutlwa jang fa seno se direga. Re tlile go bona gore ba lelapa la motho yo o kgaotsweng ba ka dira eng gore ba gomotsege le gore tumelo ya bone e tswelele e nonofile. Gape re tla bona gore ke eng se botlhe mo phuthegong ba ka se dirang go gomotsa le go ema ba lelapa la motho yo o kgaotsweng nôkeng.