Nkwalo u pasi
a Go ikwatlhaya ga mmatota ga se fela go kopa maitshwarelo ka ntlha ya boleo jo re bo dirileng. Setlhogo seno se tlile go re thusa go tlhaloganya gore go ikwatlhaya ga mmatota go kaya eng. Se tla tlotla ka botshelo jwa ga Kgosi Ahabe le jwa ga Kgosi Manase le ka morwa yo o latlhegileng yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu. Gape se tla bua ka dilo tse bagolwane ba tshwanetseng go di sekaseka fa ba dira tshwetso ya gore a mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o dirileng boleo jo bo masisi o ikwatlhaya ka tsela ya mmatota kgotsa nnyaa.