Nkwalo u pasi
a Re a itumela fa batho ba batla go ithuta Baebele le rona, mme re utlwa botlhoko fa ba gana go ithuta le rona. Gongwe o ithuta Baebele le mongwe yo a sa diriseng se a se ithutang kgotsa gongwe ga o ise o thuse ope gore a kolobediwe, a seno se raya gore o palelwa ke go dira barutwa? Mo setlhogong seno, re tlile go bona mabaka a go bo bodiredi jwa rona bo atlega le gore re ka dira eng gore re tswelele re itumetse go sa kgathalesege gore a batho ba a re reetsa kgotsa ga ba re reetse.