Nkwalo u pasi
a Re rata Jehofa fela thata, e bile re batla go mo itumedisa. Jehofa o boitshepo, e bile o lebeletse gore batho ba ba mo obamelang le bone ba nne boitshepo. A go a kgonega gore batho ba ba nang le boleo ba nne boitshepo? Ee go a kgonega. Re tlile go sekaseka se moaposetoloi Petere a neng a se bolelela badumedimmogo le ene le ditaelo tse Jehofa a ileng a di naya setšhaba sa Iseraele, gore re bone gore re ka nna boitshepo jang mo go sengwe le sengwe se re se dirang.