Nkwalo u pasi
e TLHALOSO YA SETSHWANTSO: John o bereka diura tse di oketsegileng. Ga a batle go swabisa motho yo o mo thapileng. Ka jalo, nako le nako fa mothapi wa gagwe a mo kopa gore a bereke diura tse di oketsegileng, o a dumela. Mo go one maitseboa ao, Tom yo e leng motlhanka wa bodiredi o na le mogolwane mongwe kwa loetong lwa bodisa. Mo nakong e e fetileng, Tom o ne a bolelela mothapi wa gagwe gore go na le maitseboa mangwe mo bekeng a a a dirisetsang go obamela Jehofa e bile ga a ka ke a bereka ka nako eo.