Nkwalo u pasi
a Batsadi ba Bakeresete ba rata bana ba bone fela thata. Ba dira ka natla gore ba ba neye dilo tse ba di tlhokang le gore ba itumele. Sa botlhokwa le go feta, batsadi bao ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa bana ba bone gore ba rate Jehofa. Setlhogo seno se tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e le menê e e ka thusang batsadi gore ba fitlhelele mokgele oo.