Nkwalo u pasi
a Ka dinako dingwe, go boifa go siame ka gonne go re sireletsa gore re se ka ra wela mo kotsing. Mme mo maemong mangwe ga go a siama. Le fa go ntse jalo, go boifa go ka nna kotsi. Goreng re rialo? Ka gonne Satane o tla leka go dirisa poifo go dira gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. Ka jalo, re tshwanetse go dira ka natla gore re fenye poifo e e ntseng jalo. Ke eng se se ka re thusang? Jaaka re tla bona mo setlhogong seno, fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o ka fa letlhakoreng la rona le gore o a re rata, re tla kgona go fenya poifo epe fela e re ka nnang le yone.