Nkwalo u pasi
a Gantsi fa go buiwa ka motho yo o itshoketseng diteko, re akanya ka Jobe. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng monna yono yo o ikanyegang? Re ithuta gore Satane ga a ka ke a re pateletsa gore re tlogele Jehofa. Gape re ithuta gore Jehofa o itse sengwe le sengwe se se re diragalelang, le gore fela jaaka Jehofa a ile a fedisa diteko tsa ga Jobe, letsatsi lengwe o tla dira gore le rona re se ka ra tlhola re boga. Fa e le gore dilo tse re di dirang di bontsha gore re tlhatswegile pelo ka seo, re bangwe ba batho ba ba ‘solofelang mo go Jehofa.’