Nkwalo u pasi
a Gompieno banna, basadi le bana ba le dimilione ba rera dikgang tse di molemo ba tlhagafetse. A o mongwe wa bone? Fa e le gore go ntse jalo, o kaelwa ke Morena wa rona e bong Jesu Keresete. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka bosupi jo bo bontshang gore Jesu o kaela tiro ya go rera gompieno. Go akanyetsa kwa teng ka kgang eno, go tla re thusa gore re ikemisetse go tswelela re direla Jehofa re kaelwa ke Keresete.