Nkwalo u pasi
a Jehofa o re neile tsholofelo e e itumedisang ka bokamoso. Tsholofelo eo e dira gore matshelo a rona a nne botoka, e bile e re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a re nang le one gone jaanong. E re naya maatla a go tswelela re direla Jehofa le fa re na le mathata. E bile e ka re sireletsa gore re se ka ra nna le dikakanyo tse di sa siamang tse di ka kgotlelang megopolo ya rona. Jaaka re tla bona mo setlhogong seno, ano ke mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go nonotsha tsholofelo e re nang le yone.