Nkwalo u pasi
a Setlhogo seno se tlotla ka dilo tse tharo tse Jehofa a thusang batho ba ba mo obamelang ka tsone gore ba itshokele mathata a ba nnang le one ba itumetse. Re tlile go ithuta ka dilo tseo mo go Isaia kgaolo 30. Fa re ntse re sekaseka kgaolo eno, re tlile go gopodiwa ka botlhokwa jwa go rapela Jehofa, go ithuta Lefoko la gagwe le go akanyetsa kwa teng ka se a re nayang sone gone jaanong, le se a tla re nayang sone mo nakong e e tlang.