Nkwalo u pasi
a Fa re araba kwa dipokanong, re a kgothatsana. Le fa go ntse jalo, bangwe ba a tshoga fa ba tshwanelwa ke go araba. Bangwe ba itumelela go araba e bile ba ka rata go araba gantsi. Re ka bontsha jang gore re akanyetsa ba bangwe, gore dipokano di re tswele mosola rotlhe? Gape re ka araba jang ka tsela e e tla tlhotlheletsang ba bangwe gore ba nne le lorato le gore ba dire ditiro tse di molemo? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.