Nkwalo u pasi
a Jehofa le Jesu ba tekatekano e bile ba fetofetoga le maemo, mme ba batla gore le rona re nne jalo. Ka dinako tse dingwe maemo a rona a a fetoga. Ka sekai, re ka nna ra lwala kgotsa ra latlhegelwa ke lotseno. Fa re kgona go fetofetoga le maemo, go tla nna motlhofo gore re tlwaele maemo a rona a masha. Gape seno se tla re thusa gore re bue le gore re dire dilo tse di tla dirang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.