Nkwalo u pasi
a Baiseraele ba le bantsi ba ba ileng ba bona dikgakgamatso tse Jehofa a ileng a di dira kwa Lewatleng le Lehibidu, ga ba a ka ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 14:22, 23) Jehofa o ile a re banna botlhe ba ba neng ba na le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ne ba tla swela mo nageng. (Dipa. 14:29) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba neng ba na le dingwaga tse di ka fa tlase ga 20 go akaretsa Joshua, Kalebe le ba le bantsi ba ba tswang mo lotsong lwa ga Lefi, ba ile ba kgabaganya Noka ya Joredane ba bo ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Dute. 1:24-40.