LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 25:10-15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 “Ba dire letlole* ka logong lwa mokala, boleele jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 111* mme bophara jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 67* mme bogodimo jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 67.+ 11 Go tswa foo, o le manege gauta e e sa tswakanngwang.+ O le manege ka fa teng le ka fa ntle, mme o le direle mokgabisa wa gauta go le dikologa.+ 12 Mme o le direle maseka a gauta a le manê o bo o a kgomaretsa fa godimo ga maoto a lone a manê, maseka a mabedi ka fa letlhakoreng le lengwe le maseka a mangwe a mabedi ka fa letlhakoreng le lengwe. 13 Mme o dire dikota ka logong lwa mokala o bo o di manega gauta.+ 14 O tsenye dikota tseno mo masekeng ano a a mo matlhakoreng a Letlole gore go tsholediwe Letlole ka tsone. 15 Dikota tseno di nne mo masekeng a Letlole; di se ka tsa ntshiwa mo go lone.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela