-
Ekesodo 25:31-39Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
31 “O dire setlhomo sa dipone+ ka gauta e e sa tswakanngwang. Setlhomo seo sa dipone se dirwe ka gauta e e papetlilweng. Karolo ya sone e e kwa tlase, kutu ya sone, dikala tsa sone, dinkgwana tsa sone, dikarolo tse di kgolokwe tsa sone le malômô* a tsone, e nne selo se le sengwe.+ 32 Mme dikala di le thataro di dirwe mo matlhakoreng a setlhomo sa dipone, dikala di le tharo di dirwe ka fa letlhakoreng le lengwe mme dikala tse dingwe di le tharo di dirwe ka fa letlhakoreng le lengwe. 33 Kala nngwe le nngwe e nne le dinkgwana di le tharo tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô, mme tsotlhe di bewe ka go refosana. Go nne jalo mo dikaleng tsotlhe tse thataro tse di tla dirwang mo kutung ya setlhomo sa dipone. 34 Mo kutung ya setlhomo sa dipone go nne le dinkgwana di le nnê tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô a sone, mme tsotlhe di bewe ka go refosana. 35 Karolo e e kgolokwe e nne ka fa tlase ga dikala tse pedi tsa ntlha tse di mo kutung le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe tse pedi tse di latelang le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe gape tse pedi tse di latelang, go nne jalo mo dikaleng tseno tse thataro tse di tswang mo kutung. 36 Dikarolo tse di kgolokwe tseno le dikala tseno le setlhomo sotlhe sa dipone e nne selo se le sengwe se se dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang e e papetlilweng.+ 37 O se direle dipone di le supa, mme fa dipone tseo di tshubilwe, di tla bonesa lefelo le le fa pele ga tsone.+ 38 Ditimalobone* tsa sone le ditsholamolelo tsa sone e nne tsa gauta e e sa tswakanngwang.+ 39 Setlhomo seno le dilwana tseno di dirwe ka talenta* ya gauta e e sa tswakanngwang.
-