LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 7:11, 12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Le fa go ntse jalo, Faro o ne a laela gore go bidiwe banna ba ba botlhale le baloi, mme baperesiti ba Egepeto+ ba ba dirang maselamose le bone ba ne ba dira se se tshwanang ba dirisa maselamose.*+ 12 Mongwe le mongwe wa bone o ne a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe mme tsa fetoga dinoga tse dikgolo; thobane ya ga Arone e ne ya kometsa dithobane tsa bone.

  • Ekesodo 7:20
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 20 Ka yone nako eo, Moshe le Arone ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ba laetse. Arone o ne a tsholetsa thobane a itaya metsi a a neng a le mo Nokeng ya Nile Faro le batlhanka ba gagwe ba mo lebile, mme metsi otlhe a a neng a le mo nokeng a fetoga madi.+

  • Ekesodo 7:22
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 22 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba Egepeto ba ba dirang maselamose ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri go dira se se tshwanang,+ mo pelo ya ga Faro e neng ya tswelela e thatafetse, mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.+

  • Ekesodo 8:17, 18
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 Ba ne ba dira jalo. Arone o ne a tsholetsa seatla sa gagwe a tshwere thobane ya gagwe mme a itaya lorole lwa lefatshe, mme mentsana ya tla mo bathong le mo diphologolong. Lorole lotlhe lwa lefatshe lo ne lwa fetoga mentsana mo nageng yotlhe ya Egepeto.+ 18 Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba leka go dira se se tshwanang ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri gore go nne le mentsana,+ mme ba ne ba se ka ba kgona. Mentsana eno e ne ya tla mo bathong le mo diphologolong.

  • Ekesodo 9:11
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba sa kgone go ema fa pele ga ga Moshe ka ntlha ya mathopa, ka gonne a ne a dule baperesiti ba ba dirang maselamose le Baegepeto botlhe.+

  • 2 Timotheo 3:8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 8 Jaanong le bone ba ganetsana le boammaaruri fela jaaka Janese le Jamberese ba ne ba ganetsana le Moshe. Banna bano ba senyegile megopolo, mme ga ba amogelwe ka gonne ga ba dumele dithuto tse di re thusang gore re nne le tumelo mo Modimong.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela