-
Lefitiko 3:9, 10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
9 O tla isa mafura a a tswang mo setlhabelong sa go abelana e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.+ O tla ntsha mogatla otlhe o o mafura gaufi le lerapo la mokwatla, mafura a a khurumeditseng mala, mafura otlhe a a dikologileng mala 10 le diphilo tse pedi di na le mafura a tsone a a gaufi le dinôka. Gape o tla ntsha mafura a sebete mmogo le diphilo.+
-