LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 6:23-27
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 23 “Bolelela Arone le bomorwawe o re, ‘Eno ke tsela e lo tla segofatsang+ batho ba Iseraele ka yone. Lo ba reye lo re:

      24 “E kete Jehofa a ka lo segofatsa+ a bo a lo sireletsa.

      25 E kete Jehofa a ka lo phatsimisetsa sefatlhego sa gagwe,+ mme e kete a ka lo amogela.

      26 E kete Jehofa a ka tsholeletsa sefatlhego sa gagwe kwa go lona a bo a lo naya kagiso.”’+

      27 Mme ba tshwanetse go bitsa leina la me mo bathong ba Iseraele+ gore ke tle ke ba segofatse.”+

  • Duteronome 10:8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 8 “Ka yone nako eo, Jehofa o ne a tlhopha lotso lwa ga Lefi+ gore lo tlhokomele letlole la kgolagano ya ga Jehofa,+ lo eme fa pele ga ga Jehofa gore lo mo direle lo bo lo segofatse batho mo leineng la gagwe,+ jaaka ba ntse ba dira go fitlha mo letsatsing leno.

  • Duteronome 21:5
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 5 “Mme baperesiti, e bong Balefi, ba tla atamela ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o tlhophile bone gore ba mo direle,+ ba segofatse batho mo leineng la ga Jehofa.+ Ba tla bolela kafa kganetsano nngwe le nngwe e e amanang le thubakanyo e tshwanetseng go rarabololwa ka gone.+

  • 1 Ditiragalo 23:13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 Bomorwa Amerame e ne e le Arone+ le Moshe.+ Mme Arone le bomorwawe ba ne ba nna ba tlhaoletswe+ gore ba direle mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo, gore ba ntshe ditlhabelo fa pele ga ga Jehofa, ba mo direle ba bo ba segofatse batho mo leineng la gagwe ka metlha.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela