-
Lefitiko 22:21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
21 “‘Fa motho a isetsa Jehofa setlhabelo sa go abelana+ e le go diragatsa maikano kgotsa e le setlhabelo se se ntshiwang ka go rata, e nne phologolo e e itekanetseng sentle go tswa mo motlhapeng kgotsa mo letsomaneng gore a amogelwe. E se ka ya nna le bogole bope.
-
-
Dipalo 6:13, 14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 “‘Jaanong ono ke molao o o amanang le Monasirite: Fa a wetsa malatsi a gagwe a Bonasirite,+ o tla tlisiwa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo. 14 Fa a le koo, o tshwanetse go isetsa Jehofa mpho: phelefu e potlana e le nngwe e e itekanetseng sentle e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase e le setlhabelo se se fisiwang,+ kwanyana e namagadi e le nngwe e e itekanetseng sentle e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase e le setlhabelo sa boleo,+ phelefu e le nngwe e e itekanetseng sentle e le setlhabelo sa go abelana,+
-