-
Dipalo 12:14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
14 Jehofa o ne a araba Moshe a re: “Fa rraagwe a ne a ka mo kgwela mathe mo sefatlhegong, a o ne a se kitla a kokobediwa malatsi a le supa? A a bewe a le esi kwa ntle ga kampa malatsi a le supa+ mme morago ga moo a ka nna a letlwa go tsena.”
-
-
2 Dikgosi 7:3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
3 Go ne go na le balepero ba le banê, ba ba neng ba le fa kgorong ya motse,+ mme ba ne ba raana ba re: “Re nnetseng fano go fitlha re swa?
-
-
2 Ditiragalo 26:20, 21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
20 E rile moperesiti yo mogolo e bong Asaria le baperesiti botlhe ba retologela kwa go ene, ba ne ba bona gore o iteilwe ka lepero mo phatleng. Ka jalo, ba ne ba mo ntsha ka bonako moo, mme le ene o ne a itlhaganela a tswa, ka gonne Jehofa o ne a mo iteile.
21 Kgosi Usia o ne a tswelela e le molepero go fitlha a swa, mme o ne a nna mo ntlong e e kwa thoko e le molepero,+ ka gonne o ne a ntshitswe mo ntlong ya ga Jehofa. Morwawe e bong Jothame o ne a okametse ntlo ya kgosi,* a atlhola batho ba lefatshe leo.+
-