2 “Fa motho a ruruga mo letlalong,* a tswa legogo kgotsa sebata, tse di ka fetogang bolwetse jwa lepero*+ mo letlalong la gagwe, foo o tshwanetse go isiwa kwa go moperesiti Arone kgotsa kwa go mongwe wa bomorwawe, e leng baperesiti.+
4 Go tswa foo, Jesu o ne a mo raya a re: “O se ka wa bolelela ope,+ mme tsamaya o ye go itshupa kwa moperesiting,+ o bo o isa setlhabelo sa mpho se Moshe a laetseng gore se ntshiwe,+ gore batho ba bone gore tota o fodisitswe.”
44 mme a mo raya a re: “O se ka wa bolelela ope sepe, mme tsamaya o ye go itshupa kwa moperesiting o bo o isa setlhabelo se Moshe a laetseng gore se ntshiwe ke molepero yo o fodisitsweng,+ gore batho ba bone gore tota o fodisitswe.”+
14 Go tswa foo, o ne a laela monna yoo gore a se ka a bolelela ope a bo a re: “Mme tsamaya o ye go itshupa kwa moperesiting o bo o isa setlhabelo sa gore o fodisitswe, jaaka Moshe a laetse,+ gore batho ba bone gore tota o fodisitswe.”+