-
1 Dikgosi 13:2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 Go tswa foo, o ne a tlhaeletsa sebeso go ya ka se Jehofa a neng a se laetse a re: “Wena sebeso, sebeso! Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Mo losikeng lwa ga Dafide go tla tsholwa morwa yo o bidiwang Josia!+ O tla ntsha baperesiti ba mafelo a a kwa godimo setlhabelo mo go wena, ba ba ntshang ditlhabelo mo go wena e bile o tla fisetsa marapo a batho mo go wena.’”+
-
-
2 Dikgosi 23:8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Go tswa foo, o ne a ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juda, mme o ne a dira gore mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a baperesiti ba neng ba ntsha ditlhabelo mo go one a se ka a tshwanela kobamelo, go simologa kwa Geba+ go ya kwa Beere-sheba.+ Gape o ne a thuba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a dikgoro a a neng a le kwa kgorong ya ga Joshua molaodi wa motse, a a neng a le ka fa molemeng fa motho a tsena ka kgoro ya motse.
-
-
2 Dikgosi 23:20Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
20 Ka jalo, baperesiti botlhe ba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ba ba neng ba le koo, o ne a ba ntsha setlhabelo mo godimo ga dibeso, mme o ne a fisetsa marapo a batho mo go tsone.+ Morago ga moo, o ne a boela kwa Jerusalema.
-
-
Esekiele 6:5Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 Ke tla latlhela ditopo tsa batho ba Iseraele fa pele ga medingwana ya bone e e ferosang sebete, e bile ke tla gasamisa marapo a lona go dikologa dibeso tsa lona.+
-