-
Luke 21:2-4Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 Foo o ne a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a tsenya madinyana a mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase thata,*+ 3 mme o ne a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, motlholagadi yono wa mohumanegi o tsentse go gaisa ba bangwe botlhe.+ 4 Ka gonne botlhe ba tsentse se se tswang mo dikhumong tsa bone, mme ene le fa a sotlega,* o tsentse madi otlhe a a itshedisang ka one.”+
-