17 Motse le sengwe le sengwe se se mo go one di tshwanetse go senngwa;+ tsotlhe ke tsa ga Jehofa. Ke Rahabe+ fela wa mogwebakammele yo o tla tswelelang a tshela, ene le botlhe ba ba nang le ene mo ntlong, ka gonne o ne a fitlha barongwa ba re neng re ba rometse.+
3 Jaanong tsamaya mme o kgemethe Baamaleke,+ o ba bolaye+ le sotlhe se ba nang le sone. Ga o a tshwanela go tlogela ope wa bone a tshela;* o bolaye+ monna mmogo le mosadi, ngwana mmogo le losea, poo mmogo le nku, kamela mmogo le tonki.’ ”+