-
Lefitiko 27:9, 10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
9 “‘Fa maikano ao a akaretsa phologolo e e siametseng go ka ntshediwa Jehofa e le setlhabelo, sepe fela se se tla newang Jehofa e tla nna selo se se boitshepo. 10 A se ka a se emisetsa ka se sengwe kgotsa a ntsha se se siameng mo boemong jwa se se sa siamang kgotsa se se sa siamang mo boemong jwa se se siameng. Mme gone, fa a ntsha phologolo mo boemong jwa phologolo e nngwe, phologolo e e neng e ntshitswe pele le e e ntshitsweng mo boemong jwa yone, tsoopedi di tla nna boitshepo.
-