LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 14:29, 30
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 29 Ditopo tsa lona di tla wela mo nageng+ eno, lotlhe fela go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba neng ba kwadisitswe, lona lotlhe ba lo neng lo ngongorega ka nna.+ 30 Ga go ope wa lona yo o tla tsenang mo lefatsheng le ke neng ka ikana* gore ke tla lo le naya gore lo age mo go lone,+ kwantle ga ga Kalebe morwa Jefune le Joshua morwa Nune.+

  • Joshua 14:14
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 Ke gone ka moo Heberone e leng boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenise go tla go fitlha mo letsatsing leno, ka gonne o ne a sala Jehofa, Modimo wa Iseraele morago ka pelo yotlhe.+

  • Joshua 19:49
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 49 Ka jalo, ba ne ba fetsa go kgaoganya lefatshe gore e nne boswa go ya ka dikarolo tsa lone. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba abela Joshua morwa Nune boswa mo lefatsheng la bone.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela