-
Ekesodo 18:15, 16Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 Moshe o ne a raya mogwegadiagwe a re: “Ka gonne batho ba nna ba tla kwa go nna gore ke ba boletse kwa Modimong. 16 Fa go nna le kgang, e tlisiwa kwa go nna mme ke tshwanetse go atlhola fa gare ga batho ba babedi ke bo ke ba itsise ditshwetso tsa Modimo wa boammaaruri le melao ya gagwe.”+
-
-
Lefitiko 24:11, 12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Morwa yono yo mmaagwe e neng e le Moiseraele o ne a simolola go dirisa Leina* ka tsela e e sa tshwanelang le go le tlhapatsa.*+ Ka jalo, ba ne ba mo tlisa kwa go Moshe.+ Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Shelomithe, morwadia Diberi wa lotso lwa ga Dana. 12 Ba ne ba mo tsenya mo kgolegelong go fitlha ba tlhalosediwa sentle tshwetso ya ga Jehofa.+
-