28 Tlhoma Joshua,+ o mo kgothatse o bo o mo nonotshe ka gonne ke ene yo o tla kgabaganyang+ kwa pele ga setšhaba seno e bile ke ene yo o tla dirang gore se nne mo lefatsheng le o tla le bonang.’
14 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Nako ya gore o swe e atametse.+ Bitsa Joshua, mme lo itlhagise* kwa tenteng ya bokopanelo, gore ke tle ke mo tlhome.”+ Ka jalo, Moshe le Joshua ba ne ba ya mme ba itlhagisa kwa tenteng ya bokopanelo.
23 Go tswa foo, o* ne a tlhoma Joshua+ morwa Nune mme a re: “O nne pelokgale o bo o nonofe,+ ka gonne ke wena o tla isang Baiseraele kwa lefatsheng le ke ikanneng gore ke tla le ba naya,+ mme ke tla tswelela ke na le wena.”