-
Ekesodo 12:16Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
16 Mo letsatsing la ntlha lo tshware kopano e e boitshepo, le mo letsatsing la bosupa lo tshware kopano e nngwe e e boitshepo. Go se ka ga dirwa tiro epe mo malatsing ano.+ Se motho mongwe le mongwe a tlhokang go se ja, ke sone fela se lo ka nnang lwa se dira.
-
-
Lefitiko 23:8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Mme lo isetse Jehofa setlhabelo se se dirwang ka molelo malatsi a le supa. Go tla nna le kopano e e boitshepo mo letsatsing la bosupa. Lo se ka lwa dira tiro ya mofuta ope e e boima.’”
-
-
Duteronome 16:8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Lo je senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le marataro mme mo letsatsing la bosupa go tla nna le kopano e e kgethegileng ya ga Jehofa, Modimo wa lona. Ga lo a tshwanela go dira tiro epe.+
-