LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 28:3-8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 “Mme o ba reye o re, ‘Seno ke setlhabelo se se dirwang ka molelo se lo tla se ntshetsang Jehofa: ka letsatsi, lo ntshe dikwanyana tse pedi tse ditonanyana tse di itekanetseng sentle, tse di nang le ngwaga o le mongwe e le setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha.+ 4 Lo ntshe kwanyana e tonanyana mo mosong, mme kwanyana e nngwe e tonanyana lo e ntshe ka lotlatlana,*+ 5 mmogo le bupi jo bo boleta jwa kilogerama e ka nna nngwe* jo bo tlhakantsweng le leokwane la selekanyo sa litara* e le nngwe, e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka.+ 6 Ke setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha,+ se se neng sa tlhomiwa kwa Thabeng ya Sinai e le lonko lo lo itumedisang,* setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa, 7 mmogo le setlhabelo sa sone sa senô, litara e le nngwe, e ntshiwe nako le nako fa go ntshiwa kwanyana e tonanyana.+ Lo tshele bojalwa mo lefelong le le boitshepo e le setlhabelo sa senô se se yang kwa go Jehofa. 8 Mme lo ntshe kwanyana e nngwe e tonanyana ka lotlatlana.* Lo e ntshe le setlhabelo se se tshwanang le sa mo mosong le setlhabelo sa sone sa senô se se tshwanang, e le setlhabelo se se dirwang ka molelo e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela