-
Genesise 28:20-22Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
20 Go tswa foo, Jakobe o ne a dira maikano, a re: “Fa e le gore Modimo o tla nna le nna e bile o tla ntshireletsa mo loetong lwa me a bo a nnaya senkgwe gore ke je, le diaparo gore ke apare 21 ke bo ke boela ka kagiso kwa lelapeng la ga rre, ruri Jehofa o tla bo a itshupile gore ke Modimo wa me. 22 Mme leje leno le ke le tlhomileng jaaka pilara e tla nna ntlo ya Modimo,+ mme ruri ke tla go ntshetsa karolo* ya sengwe le sengwe se o se nnayang.”
-