-
Dipalo 4:24-26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 Tseno ke dilo tse malapa a Bagereshone a abetsweng go di tlhokomela:+ 25 Ba tla tsaya matsela a tente ya motlaagana,+ tente ya bokopanelo, sekhurumetso sa yone le sekhurumetso sa matlalo a a borethe se se mo godimo ga sone,+ setswalo* sa kgoro ya tente ya bokopanelo,+ 26 matsela a a lepelelang a lolwapa,+ setswalo* sa kgoro ya lolwapa+ lo lo dikologileng motlaagana le sebeso, megala ya tente ya tsone le dilwana tsotlhe tsa tsone le sengwe le sengwe se se dirisiwang mo tirelong ya motlaagana. Eno ke kabelo ya bone.
-