-
Duteronome 1:34-38Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
34 “Mo nakong eno yotlhe, Jehofa o ne a utlwa se lo neng lo se bua mme o ne a galefa a bo a ikana+ a re, 35 ‘Ga go na ope wa batho bano ba kokomana e e bosula eno yo o tla bonang lefatshe le le molemo le ke neng ka ikana gore ke tla le naya borraalona,+ 36 kwantle ga ga Kalebe morwa Jefune. Ke ene a tla le bonang, mme ke tla mo naya lefatshe le a neng a tsamaya mo go lone, ene le bomorwawe ka gonne o setse Jehofa morago ka pelo yotlhe.*+ 37 (Tota le nna, Jehofa o ne a nkgalefela ka ntlha ya lona mme a re, “Le wena ga o kitla o tsena kwa go lone.+ 38 Joshua morwa Nune, yo o emeng fa pele ga gago,+ ke ene yo o tla tsenang mo lefatsheng leno.+ O mo nonotshe*+ ka gonne o tla dira gore Iseraele e age mo go lone.”)
-