-
Joshua 1:12-14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
12 Mme Joshua o ne a raya Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase a re: 13 “Gakologelwang se Moshe motlhanka wa ga Jehofa a se lo laetseng+ a re: ‘Jehofa, Modimo wa lona o lo naya boikhutso e bile o lo neile lefatshe leno. 14 Basadi ba lona le bana ba lona ba tla nna mo lefatsheng le Moshe a le lo neileng ka fa letlhakoreng leno* la Joredane mmogo le leruo la lona,+ mme lona batlhabani ba ba maatla+ lo kgabaganye lo tsamaya ka thulaganyo jaaka ditlhopha tsa masole kwa pele ga bomorwarraalona.+ Lo tshwanetse go ba thusa
-