16 Mme molelwane wa lefatshe le le neng le abilwe ka bola+ gore e nne la ditlogolwana tsa ga Josefa,+ o ne o simologa kwa Joredane kwa Jeriko go ya kwa metsing a a kwa botlhaba jwa Jeriko, o ralala naga e e tlhatlogang e tswa mo Jeriko o bo o ralala kgaolo e e dithaba o ya Bethele.+