LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 23:31-33
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 31 “Ke tla tlhoma molelwane wa gago go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu go ya kwa lewatleng la Bafilisitia le go tswa kwa nageng go ya kwa Nokeng;*+ ka gonne ke tla tsenya banni ba lefatshe leo mo seatleng sa lona, mme lo tla ba leleka lo ba ntsha fa pele ga lona.+ 32 Ga o a tshwanela go dira kgolagano le bone kgotsa le medimo ya bone.+ 33 Ba se ka ba nna mo lefatsheng la gago, gore ba se ka ba dira gore o nteofele. Fa o ka direla medimo ya bone, ruri o tla welwa ke masetlapelo.”+

  • Duteronome 7:3, 4
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Ga o a tshwanela go dira kgolagano epe ya lenyalo* le bone. O se ka wa tsaya bomorwadio wa ba nyadisa bomorwaabone kgotsa wa tsaya bomorwadiabone wa ba nyadisa bomorwao.+ 4 Gonne ba tla faposa bomorwao mo go ntshaleng morago gore ba direle medimo e mengwe;+ foo bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla lo nyeletsa ka bonako.+

  • Joshua 23:12, 13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 12 “Mme fa go ka direga gore lo boele morago lo bo lo ngaparela batho ba ba setseng ba ditšhaba tseno tse di setseng+ le lona mme lo dira kgolagano ya lenyalo*+ le bone e bile lo itsalanya le bone, mme le bone ba itsalanya le lona, 13 lo itse gore ruri Jehofa, Modimo wa lona ga a kitla a tswelela a leleka ditšhaba tseno ka ntlha ya lona.+ Di tla nna serai mo go lona le seme mo matlhakoreng a lona+ le mmitlwa mo matlhong a lona go fitlha lo nyelela mo lefatsheng leno le le molemo le Jehofa, Modimo wa lona a le lo neileng.

  • Baatlhodi 2:2, 3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 2 Mme le lona, ga lo a tshwanela go dira kgolagano le banni ba lefatshe+ leno e bile lo senye dibeso+ tsa bone.’ Le fa go ntse jalo, ga lo a ikobela lentswe+ la me. Ke ka ntlha yang fa lo dirile selo seno? 3 Ke gone ka moo le nna ke neng ka re, ‘Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona,+ mme ba tla nna serai mo go lona,+ e bile ba tla lo faposa gore lo obamele medimo ya bone.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela