18 Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a dira kgolagano le Aberame,+ a re: “Ke tla naya losika lwa gago lefatshe leno,+ go simologa kwa nokeng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese:+
8 Mme wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone, ke tla lo naya lefatshe le o neng wa nna motswakwa mo go lone,+ e leng lefatshe lotlhe la Kanana, gore e nne la lona ka bosakhutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.”+