LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Genesise 10:19
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 19 Ka jalo, molelwane wa Bakanana o ne o simologa kwa Sidona go fitlha kwa Gerare+ gaufi le Gasa,+ le go ya kwa Sodoma, Gomora,+ Adema le Seboima+ gaufi le Lasha.

  • Duteronome 4:38
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 38 O ne a leleka fa pele ga lona ditšhaba tse dikgolo le tse di thata go lo feta, gore a lo tsenye mo lefatsheng la tsone mme a le lo neye gore e nne boswa, jaaka fa go ntse gompieno.+

  • Joshua 1:4
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 4 Karolo e lo tla nnang mo go yone e tla simologa kwa nageng go ya kwa Lebanona le kwa nokeng e kgolo ya Euferatese, e leng lefatshe lotlhe la Bahite,+ le go ya go fitlha kwa Lewatleng le Legolo* kwa bophirima.+

  • Joshua 14:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 Jaanong seno ke se Baiseraele ba neng ba se tsaya go nna boswa jwa bone mo lefatsheng la Kanana, se moperesiti Eliasare le Joshua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Iseraele, ba neng ba se ba naya gore e nne boswa.+

  • Jeremia 3:19
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 19 Mme ke ne ka ithaya ka re, ‘Ruri ke lo tsentse mo go bomorwaake ka bo ka lo naya lefatshe le le eletsegang, boswa jo bontle thata mo ditšhabeng!’*+ Gape ke ne ka ithaya ka re lo tla goela kwa go nna lo re, ‘Rre!’ e bile ke ne ka ithaya ka re ga lo kitla lo fapoga lo tlogela go ntshala morago.

  • Ditiro 17:26
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 26 Mme o dirile batho ba ditšhaba tsotlhe go tswa mo mothong a le mongwe+ gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe,+ e bile o ne a tlhoma nako ya dilo di le dintsi a bo a beela batho melelwane ya gore ba nne kae.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela