31 “Ke tla tlhoma molelwane wa gago go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu go ya kwa lewatleng la Bafilisitia le go tswa kwa nageng go ya kwa Nokeng;*+ ka gonne ke tla tsenya banni ba lefatshe leo mo seatleng sa lona, mme lo tla ba leleka lo ba ntsha fa pele ga lona.+
15Lefatshe le le neng le kgaoganyeditswe*+ lotso lwa ga Juda go ya ka malapa a bone le ne le fitlha kwa molelwaneng wa Edoma,+ e leng naga ya Tsine, go ya kwa Negebe kwa ntlheng ya yone e e kwa borwa.
4 Go tswa foo, o ne o fetela kwa Asemone+ o bo o ya kwa Molapong wa Egepeto,+ mme molelwane oo o ne o felela kwa Lewatleng.* Ono e ne e le molelwane wa bone o o kwa borwa.